Tekokgolo ya temokerasi ke maemo ao Palamente e ka netefatsang gore puso ka gale e nna e direla batho. Seno se dirwa ka go nna le maikarabelo a a tsweletseng a go okamela (go ela tlhoko) ga ditiro tsa puso..
Palamente le Dikomiti tsa yona e na le dithata tsa go bitsa mongwe le mongwe kgotsa setheo go tla go naya bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, le go tla fa pele ga yona go ba begela.
Molaotheo o tlhalosa fa Palamente e na le matla a go okamela maphata otlhe a puso, go tsenyeletsa le tse di kwa maemong a porofense le selegae.
Maikarabelo a go okamela ke tiro e Molaotheo o e neetseng Palamente go ela tlhoko le go lebelela ditiro tsa puso.
Fa e okamela, Palamente e tsepamisa mogopolo mo mafelong a a latelang:
go tsenngwa tirisong ga melao . tiragatso ya ditekanyetsokabo . kobamelo e e gagametseng ya melao ya Palamente le Molaotheo . tsamaiso e e nonofileng ya mafapha a puso.
Ka go okamela ditiro tsa puso, Palamente e kgona go netefatsa gore go neelanwa ka ditirelo go a diragala, gore batho botlhe ba tle ba tshele botshelo jo bo botoka.
go kgona go lemoga le go thibela tirisobotlhaswa go thibela maitsholo a a seng ka fa molaong le a e seng a semolao mo karolong ya puso go sireletsa ditshwanelo le dikgololosego tsa baagi go naya puso maikarabelo a go arabela tebang le gore madi a baduela lekgetho a dirisitswe jang go dira ditiragatso tsa puso go nna tse di mo mpaananeng le go oketsa tshepo ya batho mo pusong.
Palamente e na le dintlo di le pedi, e leng : . Kokoano Bosetšhaba (NA), le . Khansele ya Bosetšhaba ya
E nngwe le e nngwe e na le karolo e e kgethegileng ya maikarabelo a go okamela e e tshwanetseng go a diragatsa.
Molaotheo o tlhalosa gore Kokoano Bosetšhaba e tlhophilwe go emela batho go netefatsa puso ya batho ka batho ka fa tlase ga Molaotheo. E dira seno ka go:
netefatsa gore maphata otlhe a khuduthamaga a puso kwa maemong a bosetšhaba a puso a rwele maikarabelo a teng, le tswelela ka tebelelo mo godimo ga tiro ya go laolo puso ya bosetšhaba.
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosetšhaba la puso .
Maikarabelo a NCOP ke go okamela mo dikarolong tsa bosetšhaba tsa puso ya porofense le ya selegae.
NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, modiredi wa puso bosetšhaba kgotsa MEC wa porofense go tsenela kopano ya Khansele kgotsa komiti.
Dikomiti tsa Palamente di tlhomiwa jaaka didiriso tsa Dintlo go ya ka melawana ya Molaotheo go kgontsha maikarabelo a go okamela le go baya puso leitlho.
Dikomiti tse ke "batsamaisi bagolo" ba maikarabelo a go okamela le a peomolao ya Palamente.
Dikomiti di sekaseka molao, ba okamela tiro ya puso, le go dirisana le setšhaba.
Nngwe ya dintlha tse di botlhokwa go gaisa ya maikarabelo a go okamela ke go sekaseka dipegelo tsa ngwaga le tsa Maphata a Puso le dipegelo tsa Moruni Kakaretso ke dikomiti.
Go ikaegile ka maikaelelo a go okamela, Komiti e ka nna ya kopa ka dinako dingwe kopano go tswa mo Lephateng la Puso kgotsa go le etela go ka bona mabaka.
a Diboutu tsa Tekanyetsokabo
Tona ya Matlotlo o bega diponelopele tsa tekanyetsokabo tebang le ngwaga o o latelang wa ditšhelete, ga mmogo le diboutu tsa tekanyetsokabo tsa lefapha le lengwe le lengwe.
Palamente e tshwanetse go atlenegisa Tekanyetsokabo.
Morago ga tlhagiso ya diboutu tsa tekanyetsokabo, Komiti e nngwe le e nngwe e nna le ditheetso le Mafapha a puso a a maleba, moo e diragatsang go okamela teng.
Seno se dira go bona gore a Mafapha a tsweletse ka maitlamo a bona a ngwaga o o fetileng, le go dirisa madi a baduelalekgetho ka mokgwa o o nepagetseng.
b Dipotso tse di lebisitsweng go khuduthamaga
Go botsa puso Dipotso ke nngwe ya mekgwa eo Palamente e rwesang puso ka maikarabelo a go arabela.
Dipotso tsa molomo kgotsa tse di kwadilweng di ka bodiwa Moporesitente, Motlatsa Moporesitente le Ditona ka ga merero eo ikarabelang mo go yona.
Nako ya dipotso e neela maloko a Palamente tšhono ya go botsa ditona tsa Puso ka ga dintlha tsa go neelana ka ditirelo, mo boemong jwa makoko a bona a sepolotiki kgotsa batlhophi.
c Dipuo tse di neelwang ke Maloko
Ka go dirisa tsamaiso e, Maloko a Palamente a ka neelana ka puo mo Ntlong ka nngwe le nngwe ya dintlha.
Ka go neelana ka Kitsiso ya Tshisinyo leloko la lekoko la sepolotiki le ka tlhagisa dintlha tse go ka ngangisanwang ka tsona mo Palamenteng, ka jalo go ba thusa go diragatsa maikarabelo a bona a go okamela.
e Dingangisano ka maloko otlhe
Dingangisano ka maloko otlhe ke tsela e nngwe ya go tlhagisa tshedimosetso e e botlhokwa go puso mabapi le mananeo a a rileng a puso kgotsa molao o o tlhokegang go tsweletsa neelano ya ditirelo.
Tiro ya bokgaolotlhopho e neela Maloko a Palamente tšhono e kgolo ya go diragatsa maikarabelo a go okamela ka bobona.
Tiro ya kwa bokgaolotlhopho e neelana ka mokgwa wa tirisanommogo e e kitlaneng magareng ga Maloko a Palamente le setšhaba.
Maloko a na le tiro ya go tsibosa Palamente ka ntlha nngwe le nngwe e e tlhageletseng ka nako ya ditserekganyo tsa jaaka fa go okamela.
a Go dira tshwaelo
Go dira tshwaelo go Komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale mo Palamenteng.
Ka go dira tshwaelo, o na le tšhono ya go tlhotlheletsa dikakanyo tsa Maloko a Komiti ba ba sekasekang karolo e e rileng ya molao kakangwa pele e ka nna molao.
Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dira phethišene go Palamente, jaaka e neetswe mo Molaotheong.
Motho mongwe le mongwe, setlhopha sa batho kgotsa mokgatlho o ka dira phethišene go Palamente.
Phethišene ke kopo ya semmuso go bolaodi go tsaya kgato. E ka nna mo sebopegong sa gongwe topo, kopo ya go direlana molemo, kgotsa go phosolola ngongorego.
